مَعَانِي قَدْ بَدَتْ عِنْدِي غَرِيبَهْ
Dithaloso tse di gakgamatsang di tlhageletse mo go nna
Tn
مَعَانِي قَدْ بَدَتْ عِنْدِي غَرِيبَهْ
وَمَا تُفْضِي إِلِيْهْ بَعْدُ أَغْرَبْ
Dikai di mponegetse ka mokgwa o o kgethegileng
mme kwa di felelang teng go gakgamatsa le go feta
مِنَحْ مِنْ فَضْلِ مَوْلَانَا عَجِيبَهْ
وَمَاذَا فِي عَطَاهُ لَيْسَ أَعْجَبْ
Ke dimpho tse di tswang mo moseng wa Morena wa rona
mme ke eng mo kabong ya Gagwe se se sa gakgamatseng?
وَعِيدُ الْصَّبِ أَنْ يَلْقَى حَبِيبَهْ
وَسُبْحَانَ الَّذِي قَرَّبْ وَحَبَّبْ
Moletlo wa morati ke go kopana le Moratwa wa gagwe
kgalalelo e nne go Ene yo o re atametsang a ba a tsenya lorato lono
مَعِي أَقْوَامْ فِي أَعْلَى كَتِيبَهْ
لَهُمْ أَسْرَارْ لَا تُحْصَى وَتُكْتَبْ
Ke na le ditsala tsa maemo a a kwa godimodimo
ba na le diphiri tsa semoya tse di ka se balegeng kgotsa tsa kwalwa
مَوَاهِبْ عَالِيَةْ مَا هِيْ كَسِيبَهْ
وَإِحْسَانُ الْمُهَيْمِنْ لَيْسَ يُحْسَبْ
Dimpho tse di kwa godimo tseno ga di a tsewa ka kgaratlho
gonne bopelonomi jwa Mosireletsi bo ka se lekanyediwe
وَمَنْ لُهْ سَابِقَهْ يُدْرِكْ نَصِيبَهْ
مُوَفَّى دُونَ أَنْ يَشْقَى وَيَتْعَبْ
Yo o neng a beetswe kabelo ya tshegofatso o tla e bona
a e neelwa ka botlalo, kwa ntle ga matsapa kgotsa go lapa
وَنَفْحَةُ بَاسِطِ الْنَّعْمَى قَرِيبَهْ
تَعَرَّضْ يَا فَتَى مِنْهَا تَقَرَّبْ
Phefo e e fokang ya Moabi wa tsotlhe e gaufi
ikatametse mo go yona, wena lekolwane, mme o nne gaufi
عَسَى الْمَكْلُومْ أَنْ يَلْقَى طَبِيبَهْ
فَيُضْحِي الْعِيْشْ لُهْ أَطْيَبْ وَأَطْيَبْ
Gongwe yo o gofetseng o tla bona Mofodisi wa gagwe
mme botshelo bo nne monate le go nna phepa le go feta
وَصَلَّى اللهُ مَا أَفْهَامٌ نَجِيبَهْ
وَعَتْ قَوْلاً بِمَاءِ الْعَيْنِ يُكْتَبْ
A Modimo a tshele ditshegofatso, fa fela megopolo e e tlotlegang
e tlhaloganya mafoko a a tshwanetseng go kwalwa ka dikeledi tsa matlho
عَلَى خَيْرِ الْوَرَى الْهَادِي حَبِيبِهْ
وَآلِهْ وَالَّذِي لِلْطُّهْرِ يَصْحَبْ
Mo go yo o molemo wa popo, Moeteledipele, Moratwa wa Gagwe
le mo lelapeng la gagwe le botlhe ba ba nang le ene ka bophepa