بَادِرْ لَقَدْ فَاتَتْكَ الْغَنَائِمْ
Itlhaganele! Dithopo di go fetile
Tn
بَادِرْ لَقَدْ فَاتَتْكَ الْغَنَائِمْ
تَقَاسَمُوهَا وَأَنْتَ نَائِمْ
Itlhaganele! ruri dikatso di go fetile
Ba di kgaogantse mme wena o robetse
وَلَوْ رَأَيْتَ الَّذِينَ فَازُوا
نُحْتَ كَمَا نَاحَتِ الْحَمَائِمْ
Fa o ka bo o bone ba ba fentseng sefoka
O ka bo o lelele jaaka maphoi a lela
إِنْ رُمْتَ أَلَّا تَكُونَ نَادِمْ
قُمْ لِحَبِيبِ الْقُلُوبِ لَازِمْ
Fa o batla go tlhoka boitshwaro le ka motlha
Tsoga mme o momarele Moratwa wa dipelo
وَلَازِمِ الْبَابَ يَا مُعْنَّى
إِنَّ الْسَّعِيدَ الَّذِي يُلَازِمْ
Ngaparela Mojako, wena moya o o lapileng
Gonne ruri yo o segofetseng ke yo o nnelang
مَنْ لَازِمَ الْبَابَ نَالَ قُرْبا
وَفَازَ بِالْأَجْرِ وَالْغَنَائِمْ
Yo o nnelang fa Mojakong o bona tsalano
Mme o fenya tuelo e kgolo le dikatso
وَلَا تَنَمْ سَاعَةَ الْتَّجَلِّي
فَلَيْسَ يَحْظَى بِالْأَجْرِ نَائِمْ
O se ka wa robala mo nakong ya Ponalego ya Modimo
Gonne morobadi a ka se ke a amogela tuelo
قَدْ جَرَحَتْ قَلْبِيَ الْخَطَايَا
وَلَسْتُ أَلْقَى لَهَا مَرَاهِمْ
Dibibe di ntsentse dintho mo pelong ya me
Mme ga ke bone setlhare sa go e fodisa
سِوَى الْرِّضَا مِنْكَ يَا إِلَهِي
يَا وَاسِعَ الْجُودِ وَالْمَكَارِمْ
Kwa ntle ga boitumelo jwa Gago, Morena wa me
Wena wa bopelotshweu jo bo anameng le tlotlo e e sa feleng
وَقَدْ تَوَسَّلْنَا يَا إِلَهِي
بِسَيِّدِ الْعَرَبِ وَالْأَعَاجِمْ
Mme re batlile tsalano le Wena, Morena wa me
Ka Mong wa Maarabia le ba e seng Maarabia
نَبِيِّنَا الْمُصْطَفَى الْتِّهَامِي
مَنْ جَاءَ لِلْأَنْبِيَاءِ خَاتَمْ
Moporofeti wa rona, Motlhophiwa wa Tihama
Yo o tlileng e le Setempe sa Baporofeti